Matthew 28

Tsogo ya ga Jesu mo baswing

1Mme ya re phakela mo mosong wa Tshipi, fa bosigo jwa tshipi boo sa, Marea Magatalena le Maria yo mongwe ba ya kwa phupung.

2Ka tshoganetso ga nna thoromo ya lefatshe e kgolo; gonne moengele wa Morena o na a fologa kwa legodimong mme a pitikololela lentswe fa thoko ga phupu mme a nna mo godimo ga lone. 3Sefatlhogo sa gagwe sa bo se phatsima jaaka logadima, le diaparo tsa gagwe tsa bo di le bosweu jo bo fatlhang.

4Balebeledi ba roromisiwa ke letshogo fa ba mmona, mme ba idibala mo o neng o ka re ba sule. 5Mme moengele a bua le basadi a re, “Se boifeng!” Ke itse gore lo batla Jesu yo o neng a bapotswe, 6mme ga a yo fano! Gonne o rudile fela jaaka a boletse. Tsenang lo bone fa mmele wa gagwe o neng o namaletse gone. 7Mme jaanong, itlhaganeleng lo ye go itsise barutwa ba gagwe gore o tsogile mo baswing le gore o ya kwa Galalea go rakana nabo teng. Ke one molaetsa wa me o ke o lo nayang.

8Basadi ba akofa ba tloga fa phupung ba tshogile gape ba itumetse thata, mme ba itlhaganelela go batla barutwa go ba bolelela molaetsa wa moengele. 9Mme ya re ba santse ba siane, ka tshoganetso Jesu a ba kgatlhantsha! A re, “Dumelang!”. Ba wela fa fatshe fa pele ga gagwe ba mo tshwara dinao ba mo obamela.

10Mme Jesu a ba raya a re, “Se boifeng! Yang go raya bana ba ga Rre lo re ba itlhaganelele kwa Galalea go nkgatlhantsha teng.”

Pipa-molomo ya badisa ba phupu

11Ya re basadi ba santse ba le mo tseleng e e yang motseng, bangwe ba mapodisi a Tempele ba ba neng ba disitse phupu ba ya kwa baperesiting ba bagolo go ba bolelela se se diragetseng. 12
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mathaio 28:13.
13
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mathaio 28:12-13.
Phuthego ya baeteledipele botlhe ba Sejuda ya kuiwa, ga dumalanwa gore mapodisi a rekwe ka madi gore ba re erile ba robetse barutwa ba ga Jesu ba tla bosigo mme ba utswa mmele wa gagwe.

14Mme phuthego ya ba solofetsa ya re, “Fa molaodi a ka utlwa ka ga kgang e, re tlaa lo sireletsa mme sengwe le sengwe se tlaa siama.”

15Jalo mapodisi a dumalana go rekwa ka madi, mme ba bua se ba neng ba se rutilwe. Polelo ya bone ya anama mo Bajudeng, le gompieno e sa ntse e dumelwa.

Molaetsa wa bofelo wa ga Jesu

16Mme barutwa ba ba lesome le motso ba ya Galalea, ba ya thabeng e Jesu a neng a rile ba tlaa mo fitlhela teng. 17Mme koo ba feta ba rakana nae mme ba mo obamela; mme bangwe ba bone ba bo ba sa tlhomamise gore a ke ene Jesu tota!

18A raya barutwa ba gagwe a re, “Ke neilwe taolo yotlhe kwa Legodimong le mo lefatshing. 19Ke gone tsamayang mme lo dire barutwa mo merafeng yotlhe, lo ba kolobetse mo ineng la ga Rara le la Morwa le la Mowa o o Boitshepo. 20Mme ke gone lo rute barutwa ba basha ba go tshegetsa ditaolo tsotlhe tse ke di lo neileng; mme lo tlhomamise Gore ke na le lona ka malatsi otlhe le go ya bokhutlong jwa lefatshe.”
Copyright information for TsnLEF